MDGs in Tswana
Maikaelelo a go Dira Tlhabololo a Mileniamo
(Millennium Development Goals)
Afrikaans | Ndebele | Sepedi | Sotho | Swati | Tsonga | Tswana | Venda | Xhosa | Zulu
Maikano a Ditšhaba-Kopano (United Nations) a Mileniamo, a a saenilweng ka September 2000, a naya dipuso boikarabelo jwa go:
- Fedisa lehumo le le boitshegang le tlala
- Go fokotsa ka halofo palo ya batho ba ba tshelang ka madi a a kafa tlase ga dolara ya U.S. ka letsatsi.
- Go fokotsa ka halofo palo ya batho ba ba bogang ka ntlha ya tlala.
- Go oketsa selekanyo sa dijo sa ba ba bogang ka ntlha ya tlala.
- Go dira gore go nne le thulaganyo e e tshwanang mo dinageng tsotlhe tsa lefatshe ya thuto ya poraemari
- Go tlhomamisa gore basimane le basetsana botlhe ba tsena sekolo sa poraemari go fitlha ba se fetsa.
- Fa palo ya bana ba ba kwadisiwang mo sekolong e ntse e gola, go tshwanetse go elwa tlhoko gore bana bano botlhe ga ba tlogele sekolo gore ba amogele thuto ya maemo a a kwa godimo.
- Go rotloetsa tekatekano fa gare ga batho ba bong jo bo sa tshwaneng le go nonotsha basadi
- Go fedisa go tlhoka tekatekano fa gare ga batho ba bong jo bo sa tshwaneng mo dithutong tsa poraemari le tsa sekontari segolobogolo ka 2005, le mo maemong otlhe a thuto ka 2015.
- Go fokotsa go swa ga bana
- Go fokotsa selekanyo sa go swa ga bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano ka pedi-tharong.
- Go tokafatsa pholo ya baimana
- Go fokotsa rešio ya go swa ga baimana ka dikwatara di le tharo.
- Go lwantsha HIV/AIDS, malaria, le malwetse a mangwe
- Go emisa le go simolola go fokotsa go anama ga HIV/AIDS.
- Go emisa le go simolola go fokotsa bolwetse jwa malaria le malwetse a mangwe a magolo.
- Go ela tlhoko gore tikologo e tswelela pele e tlhokomelesegile
- Go tsenya melawana ya tlhabololo e e kgonang go tswelela pele mo dipholising tsa naga le mo mananeong a yone; go fokotsa go latlhegelwa ke dikumo tsa tlhago tsa tikologo.
- Go fokotsa ka halofo palo ya batho ba ba sa kgoneng go bona metsi a a phepa ka dinako tsotlhe (go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba setlhogo se se reng go tlamelwa ka metsi).
- Go dira gore ka 2020, botshelo jwa batho ba ba dimilione di le 100 ba ba nnang mo mafelong a naga a a padimotsweng ke lehuma bo bo bo tokafetse fela thata.
- Go dira gore mekgatlho e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe e nne le tirisanommogo mo go direng tiro ya tlhabololo
- Go dira gore gape go nne le kgwebisano e e dirwang pepenene le tsamaiso ya tsa ditšhelete e e berekang ka melao e e rileng (rule-based), e e dirang go ya kafa go lebeletsweng ka gone e bile e sena tlhaolele. Seno se akaretsa go ikemisetsa go nna le taolo e e siameng, go dira tiro ya tlhabololo le go fokotsa lehuma—mo nageng ya gaetsho le kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.
- Go tlamela dinaga tse di sa tlhabologang ka dilo tse di kgethegileng tse di di tlhokang. Seno se akaretsa ditlhwatlhwa le go sa beelwe selekanyo sa bontsi jwa diromelwa-ntle; go phimolwa gotlhelele ga dikoloto tsa dinaga tse di humanegileng tse di nang le dikoloto tse di boitshegang; go phimolwa ga sekoloto sa semmuso fa gare ga dinaga tse di kolotanang; le go tlhomiwa ga thulaganyo ya semmuso ya go thusa ka bopelotshweu dinaga tse di ikemiseditseng go fokotsa lehuma
- Go tlamela dinaga tse di leng kgakala le lewatle le ditlhaketlhake tse dinnye tse di santseng di tlhabologa ka dilo tse di kgethegileng tse di di tlhokang.
- Go fedisa gotlhelele mathata a dikoloto tsa dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa ka go latela dikgato tse di dirisiwang mo nageng ya gaetsho e bile di dirisiwa le kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba gore mo isagweng, di kgone go itsetsepela fa di na le dikoloto.
- Go dirisana mmogo le dinaga tse di santseng di tlhabologa, mo go direng gore basha ba nne le ditiro tse di tlotlegang tse di ba tswelang mosola.
- Go dirisana mmogo le dikhamphani tsa dikhemisi, mo go direng gore batho kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa ba kgone go bona diokobatsi tse di botlhokwa tse di sa tureng.


